Botswana e lebaganwe ke kgwetlho e tona jaaka mafatshe a mantsi mo Aforika a sa itshetlela mo sepolotiking le itsholelo. Ka jalo batho ba mafatshe a sele ba thologela mo Botswana go tla go senka mafulo a matalana. Bangwe ke baitseanape ba mefuta, ba ba thusang go tlhabolola itsholelo le kemo ya Botswana, bangwe bone ke bafaladi, ba ba tshabileng ntwa kgotsa lošekere kwa mafatsheng a bone. Mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng re itemogetse tshologelo e e seng ka na ka sepe ya batho ba Zimbabwe (ga ke itse gore a leina ‘maZimbabwe’ le a amogelesega - ka jalo ke tlaa seke ke le dirise fa) bangwe ba tsile go senka ditiro, bangwe ka go tlhoka lesego ba felele mo mebileng. Bangwe ba tsamaya ntlo le ntlwana ba senka tiro – bangwe ba kile ba kokota kwa tlung, e le bomme ba le bararo. Ka ba neela setilo, ka nna sentle ke itlhoma e le baanamisa efangele ba Ntlo ya Efagele – fa ba tswa puo ka fitlhela e le ba sele!
Mme batho ba Zimbabwe ga se bone fela ba ba tlang Botswana ba latile mafulo a matalana. Bangwe ba tswa Nigeria, Zambia, Ghana, Aforika Borwa le mafatshe a mangwe a mantsi. Bangwe ke barutabana, bangwe baagi, bangwe babueledi, bangwe ba a itshotlegela ba felela ba potologa Gaborone Sun ka mafitshwana. Mme ka pelo tsa Batswana di le bothitho, batho ba botlhe re ba amogela ka tsoo-pedi le fa bangwe re sa ba beesebete ka re ba belaela bomenemene. Gantsi batho ba ba felela ba nna mo Botswana dingwaga tse dintsi mme ba ikopele go nna Batswana moragong.
Botswana jaaka lefatshe le le ratang ngwao ya lone le tshwanetse go tlhomamisa gore batho ba ba fiwang tshwanelo ya go nna Batswana ba tsaya teko e e tlaa tlhomamisang gore e le ruri ga ba amogele Botswana lefatshe fela, mme ba na le kitso e e tletseng ya mekgwa, puo le ngwao ya Setswana. Pele ga re tswelela, a re lebelele gore mafatshe a mangwe a solofela gore moikopedi yo o batlang go nna monni wa mafatshe ao a bo a itse eng. Re tlaa lebelela mafatshe a mabedi: Amerika le Ennyelane.
Kwa Amerika pele ga o amogelwa go nna monni wa koo, o tshwanetse wa bo o le kwa godimo ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi – o na le maikarabelo a go itlhophela gore o batla go nna kwa lefatsheng leo. Gape o tshwanetse wa bo o le motho wa maitsholo a mantle – ga go batliwe manaba le dirukutlhi. O tshwanetse wa bo o kgona go bua, go kwala le go bala Sekgoa sentle. Baikopedi gape ba lekwa mo ditsong tsa Amerika. Dingwe tsa dipotso tse di bodiwang ke tse: Folaga ya Amerika e na le dinaledi di le kae? Dinaledi tsa folaga e di emetse eng? Folaga ya Amerika e na le methalo e le kae? Letsatsi la boipuso ke lefe? Ke mang yo o kwadileng pina ya setšhaba? Ke mang yo o tlhophang baatlhodi ba kgotlakgolo? O nna le tshwanelo ya go tlhopha o le dingwaga tse kae?
Kwa ga Mmamosadinyana ke gone ba ithulaganyang go tsisa diteko tsa mothale wa Amerika. Mme baikopedi ba solofelwa gore ba supe kitso e e tiileng ya puo ya Sekgoa, melao le maitsholo a Sekgoa. Moikopedi o tshwanetse a tlhaloganya puso ya batho ka batho le ka fa Palamente e dirang ka teng. O tshwanetse go supa kitso ya mekgwa ya go ipatlela ditsompelo tse di tshwanang le motlakase, metsi le tse dingwe mo Ennyelane.
Mafatshe oo-mabedi a senka gore moikopedi a itse puo ya lefatshe la one pele ga a ka amogelwa jaaka moagi wa lefatshe leo. Se se botlhokwa ka gore mongwe le mongwe yo o supang kgatlhego ya go nna karolo ya lefatshe lengwe, o tshwanetse go kgatlhegela puo ya lefatshe leo. Ka jalo Botswana e tshwanetse ya ithuta mo mafatsheng a, mme le rona ra nna le diteko tse di maleba tse re di neelang batho ba ba batlang go nna banni ba lefatshe la Botswana. Se se tlaa supa fa re ipelafatsa ka ngwao le puo ya rona. Ka jalo motho o ka akanya dipotso tse di mmalwa tse re ka di botsang ba ba batlang go nna banni ba Botswana. Dipotso tsotlhe di arabiwa ka Setswana. Re ka botsa dipotso tse di latelang: Ke mang tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana? Fa maina a dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopela Botswana boipuso kwa Ennyelane. Tlhalosa gore mebala ya folaga ya Botswana e emetse eng. Fa maina a merafe e e buang Setswana a le mane le e e sa bueng Setswana a le mane. Kwala pina ya setšhaba fa tlase. Kwala selekanyo sa tsebe ka ditso tsa morafe mongwe wa Botswana. Ratsie Setlhako ke mang?
Re ka akanya dipotso tse dingwe tse di farologanyeng tse di tlhomamisang gore batho ba ba kgatlhegelang go nna banni ba Botswana ba tsaya matsapa a go ithuta Setswana, puo, mekgwa le ditso. Kitso ya puo, mekgwa le ditso tsa Setswana e tlaa dira gore baikopedi ba kgone go bereka mo mafelong a a farologanyeng a Botswana, ba bue le bagolo ba ba sa itseng Sekgoa mo metseng ya selegae ka Setswana. Kitso e gape e tlaa dira gore ba amogelesege, Batswana ba itumelele gore ba tsere matsapa a go ithuta puo ya bone, e seng gore ba nne batswakwa ba sennelaruri ba ba nnang mo lefatsheng la Botswana.