Monday, August 31, 2009

Thanodi ya Setswana

Batho betsho! Mo dikgweding tse di fetileng ke bone tshegetso e kgolo mo bontsing jwa lona. Ke a bo ke tshwere phage ka mangana ke kwala thanodi ya Setswana. Thanodi e e tlaa wediwa ngwaga o fela. Mme ke dumela fa o tlaa kgona go e ithekela ngwaga o o tlang o rogwa. Ka Setswana se nyelela ka monokela, maiteko a go solofelwa fa a tlaa nonotsha le go dibela puo ya rona. Jaanong fa o itse mafoko mangwe a Setswana le bokao jwa one a o eletsang gore a ka tsenngwa mo thanoding ya Setswana, itshwaraganye le nna: otlogetswe@gmail.com.

Se ke tlaa se dirang ke gore ke tlhole gore a lefoko leo a ga re a le tsenya mo thanoding. Fa le seo ebile ke sa le itse, ke tlaa le tlhotlhomisa pele ga ke tsaya tshwetso ya go le tsenya, mme ke tlaa go itsise gore a ke le tsentse kgotsa nnyaa. Setswana sa re: kgetsi ya tsie e bokete, e kgonwa ke go tshwaraganelwa, ebile moroto wa esi, ga o ele.