Wednesday, August 15, 2007

Mapolotiki ke baruti


Ke rata kereke ka ke goletse mo go yone ebile ke itse e le lefelo la badumedi la go kopana, go kgothatsanya gore ba seka ba phesekana mo tumelong.

Gantsi ke rata go ela tlhoko baruti. Ke ba leba ka leitlho le le ntšhotšho fa ba bua, ke etse tlhoko ka fa ba alang molaetsa wa bone ka teng, le gore ba tsamaya jang mo kerekeng. Baruti ba bangwe ke ba ba goang go fitlhela motho a tswa kgatsele e tshweu mo khutlong tsa melomo, lentswe le swaegile. Ke gore fa a rera, le lo tsena mo seatleng, o gebetlega mo ekareng motho a bitsa dikgafela a batla gore batho ba ba kakwa, moseja ole wa letsibogo ba mo utlwe. A tlale kereke yotlhe a gata a gatoga e kare motho a gatile magala, kgotsa motho a tsenwe ke masonya mo maotong a borokgwe! A senatla sa motho! Ba bangwe baruti ba bodutu, ba a otsedisa. Ba bua ka go nyepologa, ba sa itse puo, ekare batho ba bifetswe ke tshotlego, ba iteilwe ke phefo ya borwa Seetebosigo a apesitse batho kobo ka letshoba. O bo o ipotse gore: “Gatwe ke ne ke itshwenyetsang ke re ke tla go obama?.


Selo se se nkgakgamatsang ke ka fa mapolotiki ba kgatlhiwang ke baruti ka teng, ke raya maitsholo a bone le moaparo tota, le ka fa ba ratang go nopola Baebele. Maloba fa modumo wa phuthego ya Gantsi o ile magoletsa dipampiri tsa dikgang di ne di ntsha ditshwantsho tsa ga tona Kedikilwe a apere mokgekgenene wa seaparo sa mebala ya ga Domi – a lebega jaaka moruti wa kereke ya sione! Fa kere sione ke raya kereke ya moropa e go tšhaiwang terese. Ka re: “A bo tona a tshwanelwa ke go ema phuthego ka lefoko!” Nna ke ne ke sa ya Gantsi mme ba ba neng ba ile ba tla ka mafoko a mangwe a a lebegang a bapisitse a Baebele. Gatwe mongwe, ka re “mongwe” ka ‘ína la motho malatsing ano ga le sa tlhole e le kgomo, mme le fetile jaanong ke moraka. Mongwe yo gatwe a re: “Ke tla ke le fela fela. Selefera le ditante ga ke na natso.” Ga ke itse gore a ga ba mo akele. Gatwe ba mo tlhoboga ba re: “Owaai, rona re batla wa ditante le diselefera, ntsaana golo mo o raya o tla go re tshela lehuma.” Ba ema ba tsamaya. Mongwe yo, o ne a adimile mafoko a Baebela a barutwa ba ga Jeso ba e rileng ba tsena ka tempele letsatsi lengwe ba fitlhela monna wa sennana yo o neng a itsege, mme ba mo raya ba re: “Selefera le gouta ga rena natso, se re nang naso re a se go naya, tsaya bolao jwa gago o eme o tsamaye.” A ema a tsamaya a itumetse, bogolo jang fa re mmapisa le ba ba neng ba reeditse lepolotiki le la kwa Gantsi. Mme kana barutwa bone ba ne ba neile monna yo se se fetang selefera le gouta, ka ba ne ba mo neile boitekanelo mo mmeleng gore a itshetse a iponele selefera le gouta. Jaanong lepolotiki la go tlhoka “selefera le ditante” ga ke itse gore ba ba neng ba mo reeditse bone, o ne a re o ba neela eng se se fetang selefera le ditante.

Maloba ke ne ke lebeletse tona Pono Moatlhodi mo thelebišening mo phuthegong ya ga Domkrag. A tlola a bo a relela monna yo mokhutshwane, a bo a sala a khubame ka lengole. Megolokwane ya thiba ditsebe! A nkgopotsa mongwe wa baruti ba dikereke tsa pholoso wa go tlola a relela a bo a kgoma ka mangole-oo-mabedi fa pele ga phuthego. Ka re dikereke tsa rona tlhe di latlhegetswe, fa di ne di ka bona dinatla tse di tshwanang le bo rre Moatlhodi di ne di ka tlala mpepenene.


Maabane jaana tona Mfa o ne a le mo Masaasele batho ba gaagaa goromente gotwe a ntshiwe. Mme tona o ne a re tlela ka mafoko a kgomotso a a neng a mpolaisa ditshego. A re: “Fa e le gore batho ba re goromente a ntshiwe. Fa ba re lemmenyana le re le beileng kwa mafatsheng a sele re le ntshe re le tlhotlhore lotlhe, go siame. Re tlaa re: “Morena o ne a neile mme Morena o tsere, a go bakwe leina la Morena.” Ka wa ka ditshego ke ipotsa gore a tona o raya gore o hutsahetse mo a dirisang mafoko a a tlwaelesegileng mo losong.


Mme kgang ke gore mapolotiki ba itse Baebele thata, le ba ba sa tseneng kereke tota. Bontsi jwa bone ba lemogile fa Batswana e le badumedi ba ba ratang ebile ba tlotla baruti ba bone. Mme goreng ba ba ikatumetse ke gore ba bue puo ya seruti. Kotsi ya go gogomosa batho maikutlo, a ke kwa kerekeng kgotsa ke kwa phuthegong ya sepolotiki, ke gore mo gongwe batho ba kgatlhiwa ke kapari, go bebentsha puo ga gago, kgotsa go tlola tlola, ba tshege, ba sa lemoge fa o sa phuthela sepe. Sepolotiki le sedumedi di tshwanetse tsa tlhamalatsa puo, tsa utlwiwa tsa tlhaloganngwa, tsa tlhaselwa ka dipotso mme tsa itlhalosa.

No comments: