Wednesday, October 05, 2005

Mathaithai a pelo

Go setse go itsege gompieno gore puo e ikhumisa ka go dirisa mafoko a a farologanyeng a a rayang dikarolo tsa mmele. Mafoko a, a na le bokao jo bontsi jo re iseng re bo anege, re bo tsharabolole gore re bo tlhaloganye sentle. Mafoko mangwe a re ka a akanyang ke jaaka ‘seatla’ go raya mothusi; ntswa maoto; go nna mokwatla wa kompone jalo jalo. Mme tlhotlhomiso e e tseneletseng e ya tlhokega gore re tlhaloganye gore puo ya rona e itogile jang. Mme fa re batla go tlhotlhomisa puo e e dirisiwang ke batho letsatsi le letsatsi, re tshwanetse ra tsaya puo e e le mo tirisong re e anege, re e rune, re e tlhotlhe, re e tenolole gore re bone gore e bopilwe jang. Se re ka se kgona fa re ka kgobokanya mafoko a a dirisiwang mo dikoranteng, dibuka, dikwalo, ipapatso, mo puong ya letsatsi le letsatsi, kwa makgotleng, mo dibareng le mo mafelong a a farologanyeng. Mme fa re ka nna fatshe ra re re akanye fela gore puo e dirisiwa jang re tlaa palelwa ka gore go thata go akanya makgetlho, kgotsa diemo tse di farologanyeng tse lefoko le dirisiwang mo go tsone. Le one mafoko go thata go nna fatshe o bo o a ntsha mo mogopolong fela o bo o a kwala fatshe. O tlhaelela kgakala.

‘Pelo’ re itse fa e le sesuma se se sekgapha se se pompang madi mo mmeleng wa setshedi. Mme lefoko le ga se gantsi le dirisiwa jaana. Fa le dirisitsweng teng ke mo polelong ya ga tlhapi le kgabo e tlhapi a tsayang kgabo a re ba boele pelo! Gantsi lefoko le le dirisiwa mo maeleng le diane kgotsa mo makgabisapuong a mefuta. Mme fa le dirisiwa ka methale-thale, le nna le bokao jo bo farologanyeng. A re lebelele mathaithai a pelo.

Pelo e kgona go fela, e lapisege; motho a nne pelo khutshwane ntswa pelo ya mongwe le mongwe e le khutshwane ka tlholego. Nako tse dingwe motho o nna pelo telele. E tloge e nne monate e ka re e a jewa! Kgotsa e nne bosula. Nako tse dingwe re re e ya itaya, e kare ntse e eme kgotsa e phophotha mongwe mabole. E a utswiwa, kgotsa mongwe a e gape, re re: Mokgarejwana ole ka re o go gapile pelo. Mo gongwe tse dingwe di tswe, e ntse e le mo go wena. Re bo re go kope gore o e tshware: Tshwara pelo mogolole!

Nako tse dingwe ra re o tlhomola pelo re ntse re itse fa e sa tlhabiwa ke mosetlho. Gongwe re e bone: motho a re: “Ke ne ka bona pelo ya gagwe gore ga e a itumela!” Kgotsa e seke e bonale gotlhelele: A sa bone pelo yame!

Mo gongwe re e fa maikutlo le maitshwaro a setho, re re motho o tsamaile ka pelo e e hutsafetseng, kgotsa e bue; motho o fitlhele a balabala ka pelo! Fa di etsaetsang teng ke fa di nna pedi, mme di bue dilo tse di farologanyeng… pelo e nngwe e re: ‘Ya kwa!’, fa e nngwe e re: ‘Nna fa’. Mo gongwe pelo e a eta, o iphitlhele o etile pelo, kgotsa pelo ya gago e nne go sele wena o le gone fa. Mo gongwe o tsoga pelo e itumetse. Nako tse dingwe e a lebala, e nne jaaka motho a lebeletse sengwe, e sirege! Nako e nngwe e tshwarwa ke tlala, mme e je serati!

Nako e nngwe e nna mebala, e nne tshweu, khibidu kgotsa e nne ntsho ke maleo – kgotsa e ntshofale fela! Pelo e a beta, e a kgama, e a hupetswa; motho yo o serintla a tle ka mabetwa-e-pelo, …pelo e sena boikhutso…e fufula! E tloge e nne matsadi, e gamukele botlhoko, e ubaube, e rothe madi e kare ga se tiro ya yone.

Makgetlho a mangwe e nne thata, e thatafale, motho a nne le pelo ya letlapa, kgotsa ya tshipi, kgotsa a e gatelele. Malatsi mangwe e a nyelela: motho go twe: ‘Ga a na pelo… ka re ntsa!’ Ke ipotsa gore ba kae ba ditshwanelo tsa diphologolo batle go utlwa jaaka maraki a sotlwa! Kgotsa e phatloge segalase……e garoge .. e tlalalane….matlhotlha pelo….

E a tle e lwale e bo e bolaye motho: motho a bolawe ke pelo ya motsoko. Bangwe ba kubugelwa ke bolwetse jwa pelo – kana koo teng bo bongwe fela fela. Kgotsa re re ‘go sena ’tsapa le fisang pelo’ - letsapa le nne legala le le tsididi le retelelwe ke go fisa pelo?
Nako tse dingwe e re o ntse o tsamaya mo botshelong o bone ‘wa pelo’ lo age motse. Mo gongwe o bo o se lesego; ntekwane o bone motho yo o suleng pelo. Bogologolo ba ne ba kopa pelo: ‘Tlhe mma ke kopa pelo ya gago’ Motho a ije dinala – ngwana o kwa masimo o disitse dipodi rraagwe gatwe o sule pelo. E tloge e kgaoge, e nne phuti, e nne potsane kgotsa pholwana e golegwe. E nne namagadi, e nne molotsanyana, e kotlomele. Letsatsi e nne la masetla pelo; o bone sengwe pelo e beege; Re e tlhatswe; ka go utlwa dikgang tse di tlhatswang pelo. E wele, e ritibale, e sidilege; … ka bongwefela jwa pelo re e tseye re e bule, re e neele Morena a e tlhatswe mme e itsheke.

The text was published in my column in the Mokgosi Newspaper

3 comments:

Anonymous said...

WHERE CAN I GET A SETSWANA SPELLCHECKER

Anonymous said...

O kwadile mathaithai a pelo monate tota! Ke tswa pelo mme ke kgamilwe ke pelo e dutlang, ebile e a tlola tlola e dutla e lela dikeledi tsa madi, ke tswa pelo ke akantse malome o neng a bolawa ke pelo ngwaga yo, mme a le pelo tona fela thata, a se ka a nna pelowana. Pelo e a swabisa, e kgamile ya mo hupetsa, botshelo ba gagwe ba kgaolwa, e re sia ka pelo tse di bothoko, tse di lelang di le maswabi. Pelo ya mathaithai - pelo ya tshipi, pelo e thata, pelo e ntle, pelo e hutsafetseng. Pelo ye e robetse, e tloge e ikhutse sentleyana.

Beautiful works by the way.
O dira sentle fela thata -

Mmoni H.

Anonymous said...

Fa gotwe go sena tsapa le mo fisang pelo