Wednesday, October 05, 2005

Modimo o o nko e metsi

Gantsi ga re lemoge fa tikologo ya rona e ama puo ya rona. Mo Setswaneng go na le dilo tse dintsi tse di amang ka fa re buang ka teng. Dingwe tsa tsone ga re di tseye tsiya, ga re tseye fa di ka nna le seabe sepe se se utlwalang mo go ameng ka fa re dirisang puo ka teng. Mme selo se se fitlhelwa mo puong nngwe le nngwe. Tsaya sekai, morafe wa MaEskimo (bangwe ba ka nna ba tsaya fa ke kgetholola, ba batla gore ke bitse morafe o ke re BaEskimo – ba tlaa nkinela diatla metsing.) go dumelwa fa o na le mafoko a mantsi a a rayang kapoko ka kapoko ke karolo e kgolo ya matshelo a bone. Fela kapoko e le karolo e kgolo ya matshelo a bone, rona jaaka Batswana kgomo ke yone pinagare ya itsholelo ya malwapa ka bontsi. Batswana ka ngwao re ba rua kgomo. E re ntswa dinamanyane di foforwa ke leuba, kgotsa bontsi bo hularela temo, kgomo e santse e le sesupo sa itsholelo e bile monna yo kgomo tsa gagwe di thibang marang a letsatsi o tlotlega setšhabeng. Kgomo e humisitse puo ya rona thata. Re ka akanya ka mafoko a mantsi a a amanang le kgomo. Ga re kitla re kgona go a nankola otlhe mme re tlaa kgotlha fela ka lotlhokwa.

Le rona fela jaaka MaEsekimo re na le kgumo e e boitshegang ya mafoko a a rayang kgomo. A re simolole fela ka gore ngwana wa kgomo o bidiwa namane, mme re bo re tswelela ka go tlhalosa dinamane. Mohungwana ke namane e e fitlhetsweng mo kgomong mmaayo a sena go swa. Lebotlana ke namane e e leng gone e tsalwang. Lesolemotlhabana ke lebotlana le le godileng. Lesole ke namane e e tiileng e e godileng. Moalolelo ke namane e e tlogedisitsweng go anya mmaayo. Kgomo e tonanyana e e sa fagolwang re e bitsa re re poo. Sempoo ke poo e e sa fagolegang sentle. Tshikela ke poo e e fagotsweng e godile.
Mo kgomong tse di namagadi re a tle re re, letsetse ke kgomo e fetsa go tsala. Lephusa lone ke kgomo e dusitse e palangwe ke poo. Kgomo e e gangwang yone re e bitsa leradu. Fa e sa ntshe maši a mantsi re e bitsa re re motete. Fusa ke kgomo, e sena go koba namane gore e sa tlhole e anya – ra re e husitse. Mageri ke mašwi a e leng gone a remang a re a bitsang themisani. Moreba one ke kgomo e e sa tsaleng.

Fa kgomo e sena dinaka ra re e tšhotšwa.

Re na le diane le manatetshapuo a mefuta a a supang fa kgomo e le karolo e e botlhokwa ya matshelo a batswana. Ke tlaa difa fela ka tatelano ke dumela fa mmadi o kile wa kopana natso. Re le Batswana ra re: Nnete ga e jelwe kgomo; kgomo mogobea e wetswa ke namane; lebitla la kgomo ke molomo; mmatla kgomo kolomela o etse mhata sediba; kgomo ga nke e ntsha boloko jotlhe; kgomo ga e nke e tlhaba mong wa yone; kgomo ga e latswe namane e se ya yone; kgomo ga e imelwe ke dinaka e le tsa yone; mokoduwe go tsoswa o o itsosang; kgomo go tlhabana tsa lesaka le le lengwe; makuku a naka tsa kgomo; maši a kgomo ke tswa thobeng ke le phepa, selabe se tla le motsayakgamelo; mmala wa kgomo o gola namaneng; go baya motho mabele a kgomo; go opa kgomo lonaka; go bopa kgomo ya mmopa; phitlhela kgomo ya serotswana; go sena kgomo ya boroko; go jela motho kgomo; kgomo ya lefisa re e gama re lebile tsela. Kgomo e tshwarwa ka dinaka, motho o tshwarwa ka mafoko; kgomo e e maši ga e itsale; mosima o duleng kgomo ga o thujwe ka bobi; mahube a naka tsa kgomo le e e mašwi ga e itsale.

Ke lekile go supa fa Setswana se humile mafoko a a rayang kgomo ka kgomo e le karolo e e botlhokwa ya matshelo a Batswana. Mafoko le diane di di ntsi tse di buang ka kgomo. Go na le ditumelo tsa Setswana tse di amanang le kgomo. Go dumelwa gore fa kgomo e jele lesapo la motho madi a yone a tlhakana le maši. Gape Batswana ba dumela fa dirwe dingwe tsa kgomo di sa siamela batho bangwe. Go na le dirwe dingwe tsa kgomo tse di jewang ke bomme, dingwe e nne tsa borra fa bagodi ba na le tsa bone. Dinama tse di tshwanang le bo telele, diphilo, mokoto le dinama tse dingwe ga di jewe ke mongwe le mongwe. Ka jalo kgomo ke karolo ya tumelo ya Setswana, ke sone se bangwe ba e bitsang modimo o o nko e metsi, le fa nna ke ebisa sešabo fela. Dikai re ka tsaya tse dintsi go supa fa re le baruakgomo, ka jalo a re kgwe mowa di ise di timela batho ba ga matshaba le kgomo matlogela temo e le seholela.

The text was published in my column in the Mokgosi Newspaper

12 comments:

RAINMAN said...

Bo menomasweu ke bo seila kgaka senwa moro,mpuru o faretswe mmangwanwa o fara phafana, nna ke motlana ga ke itse sepe!!!! Ke motlotlo go nna MoTswana wa Bokone!!! Rapula o tswile!!! Keep it up Homie

Anonymous said...

Rra, you have made my day, ke latlhegetswe ke puo ya garona, e rile ke batla dictionary gore ke tlhaloganye mofoko sentle ke bo ke kopana le phaije ye ya gago, ke a go leboga,,, and do keep it up.
I live in the UK and to meet people from home to whom i would speak this language is close to impossible, I talk to my mother once a week, this is so hard now I have developed a stummer because i run out of words to use, basically my vocabulary is limited to almost nothing. For a proud Motswana like myself, this is unacceptable, so your Blog is much appreciated.

Keaoleboga said...

Ke itumelela go nna Motswana, tiro e o e dirileng fa, ke e e tswileng matsogo go tlhalosa ka kgomo. Seo nka seratang thata ke gore o tlhalose thata ka dinama le foo go sa jeweng ke mongwele mongwe mo kgomong. Tswelela ka go dira tiro e ntle.ng fa, ke e e tswileng matsogo go tlhalosa ka kgomo. Seo nka seratang thata ke gore o tlhalose thata ka dinama le foo go sa jeweng ke mongwele mongwe mo kgomong. Tswelela ka go dira tiro e ntle.

Anonymous said...

Nna ke motswana ke ana kwena mare ha ke itse seboko sa teng a nka itumela thata fa o ka re ruta ka maboko a seo re se anang re itumella tiro ya gago entle

tshepo said...

Setswana se monate ele mmaruri

Anonymous said...

Monate fela.ditebogo ke tseo

Bantsijang said...

Phitlhela kgomo ya serotswana

Unknown said...

Nna ke Mosotho empa ke rata litaba tse ngotsoeng mona. Ruri li etsa ke rate puo ea ka ka ho fetisisa, kea leboha. Likhomo!

Anonymous said...

Poko e e monate tota ka ga kgomo ijoo re agolebogisa

Anonymous said...

Re lebogetse thuto .

Anonymous said...

Nna ke motswana.... Mme Fela Rona gompieno re latlhile setso tota. Re tshwanetse go tsaya setso SA Rona tsia.Re lebogetse thuto SetswAna Se Monate tota.

Anonymous said...

Ke mang mokwadi wa leboko la dikgomo? Mmalenku a marumo seapaa letoutou, more o fisa banna ditedu, mogodungwana o bolelo