Thursday, October 06, 2005

Mutsumi wa Japane

Maloba ke laleditswe dijo tsa maitseboa – leina la lefelo leo ’kitla ke itshwenya ka lone – ya re ntse re ikitsesanye ka go fapaana, ka hakgamadiwa ke go utlwa kgarejwana ya dingwaga tse di ka nnang masome a mabedi a re leina la gagwe ke “Mutsumi” – nnyaa e seng “Motsomi”. Selo se se neng se nkgakgamatsa e ne e le gore kgarejwane e e tswa Japane. Matlho a gagwe ke one a re a itseng a a tsereng popego ya sesarwa kgotsa seChina. Ka gamarega! Ka thubega ka setshego – ka boa ka itshwara. Nnyaa Mutsumi ga e kake ya nna leina la maJapane! Mogopolo wa ntlha wa re dilo tsa lefatshe le, kana gatwe bogotswana bo atile. Gatwe batho ba a tle ba reke dipasa tsa Batswana ba iphe le maina a bone. Ka mo eleka ngwanyana yo mme ka fitlhela a tshwana le konyana. Ka mmotsa gape ka re: “Golo fa le o ne o re ’ina la gago e mang?” A re: “Nna?” Ka re: “Ee, wena motho wa ga Seepapitso!” A re: “Mutsumi” Ka mmotsa gape ka re: “A wa re o bidiwa Motsumi?” A ipoeletsa gape a re: “Ee”. Ka re a ko o le kwale tlhe ke bone gore o le peleta jang. A le kwala: MUTSUMI. A nteba, jaanong ka lemoga gore o ipotsa gore ke eng ke motsatsanka ka dipotso.
Ka mmotsa gore: “Wa re ga eno ke kae?” A re Japane. Ka ja monyenyo. “Mme wa re o bidiwa Mutsumi?” A ipoeletsa gape a re: “Ee”. Ka belaela gore kgarebe e tshetlhana e, e seng gore jaanong e ipotsa gore a mokawana yo wa moAforika a o a bo a sa batle go ipala mabala a kgaka – o tloga a ntira ngwetsi kwa merafeng e ke sa e itseng. Owaii a sa itse gore tsame tse di robang bobedi le mokwele, ke raya lengwaelo, ke di isitse gooSebego, ko bathong booLekoko!
Mme ka mo tlhalosetsa fa leina le la gagwe e le le tumileng kwa gaetsho kwa Botswana, mme e le leina la basimane e seng basetsana, e bile le raya motho yo o tsomang. A gamarega, a thubega ka ditshego – matlho a nyamela, meno a le mantsho! Motsoko tlhe ga o na maitseo!

Moragong ka nna fa fatshe fa pele ga khompiutara ka senka gore a leina MUTSUMI le tumile kwa Japane. Ka fitlhela e le gore Mutsumi ga se leina fela la motho e bile go na le motsana kwa Japane o o bidiwang Mutsumi. O o bona kwa http://www.mutsumi.com/. O mo kgaolong ya Abu, e e mo Yamaguchi kwa Japane. Motsana o o na le batho ba ka nna 2500!

Mme Mutsumi yo mongwe yo o tumileng ke mmopi wa dinkgwana tse di nang le ditshwantsho tse dintle thata. Mutsumi ke sefane, ene tota o bidiwa Suzuki. Ke rre yo mogolwane yo o tsetsweng ka 1942 kwa Kyoto gone kwa Japane. Dinkgwana tsa gagwe di rekwa ke mabolokelo a a kwa godimo kwa Japane le kwa Amerika.

Japane gape e na le moopedi yo o itsegeng wa leina la Mutsumi, ene o bidiwa Mutsumi Hatano. Ene ke kgarebe ya dingwa tse di fa godimo ga ga tsa Mutsumi o ke neng ka kopana le ene. Mutsumi yo o ithutile go opela kwa Yunibesithing ya Miyazaki kwa Japane mme a tla go itlatsa mo Lontone Trinity College of Music. Moopedi yo ke wa maemo a a kwa godimo yo o opetseng mo makgetlhong a mantsi mo go itumedisitseng barati ba mmino kwa Japane.
Leina le la Mutsumi le tumile thata kwa Japane mo banang le popae e e bidiwang Mutsumi Otohime! Popae e, ke kgarejwana, e bile e ratwa ke banana ba Japane. Popae e e tumile go gaisa go tuma ga ga Mabijo mo Botswana. Banana ba Japane ba na le ditshwantsho tsa gagwe mo matlong, mo dikwalong tsa bone le tse dingwe. Bangwe ba na le ditshwantsho tsa popae e mo mesokelatsebeng ya lotheka. Ga go akiwe gotwe go tsamaya ke go bona.

Ke ne ka bua ka lobaka le Mutsumi, ka mmotsa ka maina a mangwe a Japane, ke itlhoma ke tlaa utlwa a re “Utlugetswe”! Ka itaya sefololetse. Puisanyo ya rona e ne ya kgaopediwa ke megopo ya dijo re e bewa pele. Fa ke re matlho leba ka fitlhela e le setokana sa tlhapi e e sa butswang se kotangwe ke opinyana ya raese. Ka di leba ke di belaela – moRuele ke sa batle go ijela sereto – banna! Ka utlwa ke eletsa seswaa le masuhu – dijo tsa ditoro!

This text was published on my column in the Mokgosi Newspaper

8 comments:

motshedi said...

nna leina la Japane le le nkgatlhileng thata ke "Kanako"

ruri ke leina la basetsana ba ko Japane

tshepang said...

ke itumeletse go kgang khutswe e we kwadile fa. Setwana se tota e le pua e monate e le tota, bothata ke gore ka nako tse dingwe bangwa ba yona ga ba e tseele tlhogong.Ke motswana wakwa Mafikeng, Bokone Nophirima. Lefatshe le le kileng la bo ele la ga rre mangope. Ka theto ke monogeng wa kwa motseng wa ramatlabama. ga ele gore o na kgang tse dingwe, kopana le nna fa merpro@webmail.co.za

tshepang said...

ke itumeletse go kgang khutswe e we kwadile fa. Setwana se tota e le pua e monate e le tota, bothata ke gore ka nako tse dingwe bangwa ba yona ga ba e tseele tlhogong.Ke motswana wakwa Mafikeng, Bokone Nophirima. Lefatshe le le kileng la bo ele la ga rre mangope. Ka theto ke monogeng wa kwa motseng wa ramatlabama. ga ele gore o na kgang tse dingwe, kopana le nna fa merpro@webmail.co.za

tshepang said...

ke itumeletse go kgang khutswe e we kwadile fa. Setwana se tota e le pua e monate e le tota, bothata ke gore ka nako tse dingwe bangwa ba yona ga ba e tseele tlhogong.Ke motswana wakwa Mafikeng, Bokone Nophirima. Lefatshe le le kileng la bo ele la ga rre mangope. Ka theto ke monogeng wa kwa motseng wa ramatlabama. ga ele gore o na kgang tse dingwe, kopana le nna fa merpro@webmail.co.za

Anonymous said...

Janong mosetsana a seka a tlholosa gore Mutsumi o raya e ng ka seJapane? Akere Motsomi ka setsan go tewa motho kana rre yo a tosmnag diphologolo.

Unknown said...

Okare kgang e,nkabe ena le bokhutlho gape se keseitumellang kegore maina a seafurika atlhagella ko japane.

Unknown said...

thabangteddy@yahoo.com

Seithati Ntumelang said...

Ke tshegisiwa ke go gopola seshwaa, a monate wa Setswana banna